Acts 10

Korenelio o bitsa Petere

1Mme mo Kaesarea go ne go nna mo eteledipele wa mophato wa ntwa ya Seroma gotwe Korenelio, e le molaodi wa mophato wa Itale.

2E ne e le motho yo o ratang Modimo, a bile a o tlotla thata, le ba ntlo ya gagwe ba ne ba ntse jalo. O ne a aba ka mowa o o gololesegileng a bile a le motho wa thapelo. 3Tshokologo nngwe ya letsatsi ya re a santse a ntse, ka nako e ka nna ya boraro, a bona ponatshegelo, mme mo ponatshegelong e, a bona moengele wa Modimo a tla kwa go ene a re, “Korenelio”.

4Korenelio a re, “O batlang Morena!” Moengele a fetola a re, “Dithapelo tsa gago le dimpho tsa gago Modimo o di bonye. 5
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 10:6.
6
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 10:5-6.
Jaanong roma banna bangwe kwa Jopa go ya go batla mongwe yo o bidiwang Simone Petere, yo o nnang le Simone wa mosuga matlalo, go bapa le lotshitshi lwa lewatle, mme lo mo kope gore a lo etele.”

7Erile moengele a sena go tsamaya, Korenelio a bitsa batlhanka ba ntlo ya gagwe ba le babedi le motlhabani yo o boifang Modimo, mongwe wa ba ba ikanyegang, 8mme a ba bolelela se se diragetseng a bo a ba roma kwa Jopa.

Petere o bona ponatshegelo

9
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 10:10.
10
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 10:9-10.
Erile letsatsi le le latelang, fa ba atamela motse, Petere a tlhatlogela kwa godimo ga ntlo ya gagwe go rapela. Go ne go le motshegare ebile o ne a tshwerwe ke tlala, mme erile dijo tsa motshegare di sa ntse di baakanngwa a bona ponatshegelo.
11O ne a bona legodimo le bulega, mme a bona letsela le legolo le lepeleditswe ka dinaka tsa lone tse nne, le fitlha fa fatshe. 12Mme mo letseleng go ne go le diphologolo tsa mefuta yotlhe, dinoga le dinonyane (tse di idiwang Bajuta go di ja).

13Mme lentswe la mo raya la re, “Tsamaya o bolaye o je nngwe ya tsone e o e batlang.”

14Petere a fetola a re, “Nnyaa, Morena, ga ke ise nke ke je diphologolo tse di ntseng jaana mo botshelong jwa me, gonne di a idiwa ka melao ya rona ya Sejuta.”

15Lentswe la bua gape, la re, “Se ganetsanye le Modimo! Fa o re selo se tshwanetse go jewa go raya gore se siame.” 16Mme ponatshegelo e ya direga gararo. Mme letsela la boela gape kwa legodimong. 17Petere o ne a akabala thata gore ponatshegelo e ka ne e raya eng? O ne a tshwanetse go dirang? Mme jaana banna ba ba romilweng ke Korenelio ba ne ba bone ntlo e, mme ba bo ba eme kwa ntle fa kgorong, 18ba botsa gore a ntlo e ke yone e Simone Petere o nnang mo go yone.

19Mme erile Petere a sa ntse a hakgamaletse ponatshegelo, Mowa O O Boitshepo wa mo raya wa re, “Banna ba bararo ba tsile kwa go wena. 20Fologela kwa tlase o kopane le bone mme o tsamaye nabo. Sengwe le sengwe se siame, ke ba romile.”

21Jalo Petere a fologa, mme a re, “Ke nna yo lo mmatlang. Jaanong ke eng se lo se batlang.”

22Mme jalo ba mmolelela kaga Korenelio molaodi wa Mo-Roma yo o siameng wa Modimo, yo o neng a itsege thata mo Bajuteng le jaaka moengele a ne a mo laetse go ya go bitsa Petere go tla go mmolelela se Modimo o batlang a se dira. 23Mme Petere a ba amogela a bo a ba fa boroko sigong joo. Letsatsi le le tlang a tsamaya nabo, ba na le (badumedi) ba ba tswang Jopa.

Petere kwa ga Korenelio

24Ba goroga mo Kaesarea letsatsi le le latelang, mme Korenelio o ne a ba letile a bile a biditse ba losika lwa gagwe le ditsala tsa gagwe tsa botlhokwa go nna le Petere. 25Erile fa Petere a tsena mo ga gagwe, Korenelio a wela fa fatshe fa pele ga gagwe a mo obamela.

26Mme Petere a re, “Ema! Le nna ka nosi ke motho!”

27Mme a ema ba buisanya ka sebakanyana ba bo ba ya kwa ba bangwe ba neng ba phuthegetse teng.

28Mme Petere a ba raya a re, “Lo a itse gore go kgatlhanong, le melao ya Sejuta gore ke tsene mo lolwapeng lwa Modichaba. Mme Modimo o mpontshitse mo ponatshegelong gore ke seka ka ba ka lebela ope kwa tlase. 29Mme ka tla fela jaaka ke bidiwa. Jaanong mpolelelang se lo se batlang.”

30Mme Korenelio a fetola a re, “Malatsi a mane a a fetileng ke ne ke rapela jaaka gale ka nako e ya maitseboa, fa ka tshoganetso monna a ema fa pele ga me a apere seaparo se se galalelang! 31Mme a nthaya a re, ‘Korenelio, thapelo tsa gago di utlwetse le dimpho tsa gago di lemogilwe ke Modimo! 32Jaanong roma banna bangwe kwa Jopa go itsise Simone Petere, yo o nnang mo motseng wa ga Simone, wa mosuga matlalo, fa lotshitshing lwa lewatle.’ 33Mme ke ne ka re o ye go bidiwa, mme o dirile sentle ka go tla ka bonako. Jaanong ke rona ba, re letile fa pele ga Morena, re batla go itse se o se go boleletseng go se re bolelela!”

34Mme Petere a fetola a re, “Ke bona sentle gore Bajuta ga se bone fela ba Modimo o ba ratang! 35Mo chabeng nngwe le nngwe o na le ba ba mo obamelang ba bile ba dira dilo tse di siameng mme mo go ene ba a amogelesega. 36
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 10:37.
37
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 10:36-37.
Ke tlhomamisa gore lo utlwile kaga Mafoko a a Molemo a batho ba Iseraele, gore go na le kagiso mo Modimong ka Jesu, Mesia, yo e leng Morena wa (lobopo) lotlhe. Molaetsa o, o aname le Judea yotlhe, o simolotswe ke Johane wa Mokolobetsi mo Galalea.
38Mme ga go belaesege go itse gore Jesu wa Nasaretha o ne a tlodiwa ke Modimo ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, mme o ne a tsamaya a dira molemo a bile a fodisa botlhe ba ba neng ba na le mewa e e maswe, gonne Modimo o ne o na nae.

39“Mme rona baaposetoloi re basupi ba tsotlhe tse o di dirileng mo Iseraele yotlhe le mo Jerusalema kwa o neng a bolaelwa teng mo sefapaanong. 40
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 10:41.
41
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 10:40-41.
Mme Modimo o ne wa mo tshedisa gape morago ga malatsi a mararo, mme wa mmontsha basupi bangwe ba Modimo o neng o sale o ba tlhopha pele, e seng mongwe le mongwe, mme e leng rona ba re neng ree ja re ba ree nwa nae a sena go tsoga mo baswing.
42Mme o ne a re roma go ya go rera Mafoko a a Molemo gongwe le gongwe le go supa gore Jesu o beilwe go nna Moatlhodi wa botlhe, baswi le batshedi. 43Mme le baporofiti botlhe ba kwadile ka ga gagwe, ba re mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o tlaa itshwarelwa dibe ka leina la gagwe.”

44Mme erile Petere a sa ntse a bua dilo tse Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go botlhe ba ba neng ba reeditse! 45Mme Bajuta ba ba neng ba tsile le Petere ba ne ba hakgamala gore neo ya Mowa O O Boitshepo e ka newa le Badichaba! 46
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 10:47.
47
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 10:46-47.
Mme go ne go ka se ka ga nna le pelaelo, gonne ba ba utlwile ba bua ka diteme ba bile ba galaletsa Modimo. Petere o ne a botsa a re, “A mongwe o ka gana gore ke ba kolobetse, ka gore jaanong ba amogetse Mowa O O Boitshepo fela jaaka re ne ra o amogela?”
48Mme o ne a dira jalo, a ba kolobetsa mo leineng la ga Jesu, Mesia. Morago Korenelio a mo kopa go nna le bone malatsinyana.
Copyright information for TsnLEF